Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o supile lesokolela ka banana ba motse wa gagwe ka a re ga ba tsenye letsogo mo mererong ya ditlhabololo tsa motse.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Tsiane a re gangwe le gape o leka go bua le banana gore ba inaakanye le go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse mme maiteko a gagwe a sa atlege.
A re le fa go bidiwa diphuthego tse di itebagantseng le dikgang tse di amang bone, banana ga ba ke ba itshwenya.
Kgosi Tsiane o supile fa batsadi ba dirile motlhala go isa motse kwa pele mme jaanong go le mo maruding a banana go tsweledisa fa batsadi ba emeng teng.
O kaile fa seabe sa banana se tlhokega mo kgodisong ya motse ka ba ka ntsha megopolo e e botlhokwa go tlhabolola motse.
O ne a supa gape fa basha ba sa iphe nako ya go dirisa mananeo a puso go itshetsa, a kaya fa bontsi jwa bone ba tlogela dikgwebo tse ba thusitsweng ka tsone go phutlhama.
O gakolotse banana go tsaya mananeo a tsia ka puso e lwa ka bojotlhe go namola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo le gone go lwantsha letlhoko la ditiro le le amileng banana thata.
A re mananeo a, a ka thusa banana ka ba ka kgona go itirela mebereko ka one ba bo ba thapa le banana ka bone.
E rile a ama tsa ditlhabololo tsa motse, Kgosi Tsiane a supa fa motse wa gagwe o gatetse pele ka e le mongwe wa e e akotseng lenaneo la go rudisa itsholelo ka ba agetswe ntlwana ya borutelo, matlwana a boroko a barutabana le matlo a supa a BHC a a sa ntseng a agwa.
Mo go tse dingwe, Kgosi Tsiane o supile matshwenyego ka maduo a a a kwa tlase a dikole tsa motse oo, a supa fa ba leka bojotlhe go bontsha bana mosola wa thuto.
A re o buisantse le dialogane tsa motse gore ba ne ba etela dikole go fa bomonnaabone mafoko a kgothatso le gone go amogana le bone maele gore ba kgonne jang go fenya ditlhatlhobo.
A re ba dirile komiti e e bidiwang Circle of Support e e itebagantseng le go batla bana ba ba duleng mo sekoleng ba ya go nna kwa merakeng le kwa masimo mme ba ba busetse kwa sekoleng.
A re maiteko a, a ka kgonega fela fa batsadi ba ka dirisana le bone, a supa gape fa tswaragano gareng ga batsadi le barutabana e ka tsisa maduo.
Kgosi Tsiane o ne a kopa batsadi go godisetsa bana ba bone mo tumelong gore ba tle ba iphaphe mo go inaakanyeng le ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka nnotagi le tiriso diritibatsi. BOKHUTLO