BOPA Daily News
Daily News does not publish on Saturdays, Sundays and public holidays. Please email your comments to DailyNews@gov.bw From 6 July 2006, a graphic version of the current edition is available at the Daily News Online web site. | |
Archive by year1999 2000 2001 2002 2003 2004 2005 2006 2007 2008 2009 2010 | |
|
Return to main news index Next: Batlokwa disapprove planned northern bypass | |
Bashona ba lela ka lephata la mesepele le boagedi29 October, 2009 | |
FRANCISTOWN - Bashona ba Mmandunyane ba supile ka monwana lephata mesepele le boagedi ba re gangwe le gape le gapa dikarata tsa bone tsa Omang fa ba kopa go fiwa dipasa tsa mosepele.
Mongwe wa bagolo ba motes, Rre Sam Mutoriti a re batho ba ba tseelwang boOmang gatwe ba itlhotlhore boagedi jwa Zimbabwe pele ga ba fiwa dipasa tsa Botswana. O boletse fa go gapelwa bo Omang go rontshitse batho ba go nna jalo go tlhopha le gone go akola mananeo a puso a a jaaka SHAA le CEDA . A re le fa batho ba go nna jalo ba sala ditaelo tsa lephata ba itlhothora boagedi jwa Zimbabwe go nna moga molele gore batho ba bone thuso. O boletse fa setlogolo sa gagwe se sale se gapetswe Omang ka ngwaga wa 2004 fa a ile go ikopela difomo tsa go itlhothora boagedi jwa Zimbabwe, le gompieno ga a ise a fiwe pasa ka go twe ga go bonwe sepe se se supang fa a kile a ikopela sepe kana a tseelwa Omang. Moanamisa mafoko wa lephata la mesepele le boagedi, Mme Lebogang Bok o boletse fa mo Botswana e le molato go nna le boagedi jo bobedi , a supa fa ngwana yo o tsholetsweng mono ke batsadi ba batswakwa fa a le dingwaga di le lesome le borataro a fiwa Omang yo o shwafadiwang morago ga dingwaga tse tlhano. A re se se direlwa gore ngwana a seka a sokola mo botshelong mme fa a nna le dingwaga tse di masome mabedi le bongwe e le gone a ka itlhophelang go itlhotlhora boagedi jwa batsadi ba gagwe. O boletse gape fa boagedi bo rebolwa ke lekoko fa le kgotsofalela gore moikopedi ka nnete o eletsa go nna moagedi wa Botswana.BOPA |
|
Archive by year1999 2000 2001 2002 2003 2004 2005 2006 2007 2008 2009 2010 | |
|
Return to main news index Next: Batlokwa disapprove planned northern bypass | |
|
[Search BOPA news archives]
[Headlines RSS feed]
[Full news RSS feed]
News Source: All local news stories were supplied by the Botswana Press Agency (BOPA) |